Sunday Service Guidance
Tsamaiso ya Kereke ka Sontaga

- SEFELA SA METHODIST CHURCH
- THAPELO YA LETSATSI LA SABATA.
i) Fa moleofi a sokologa mo bosuleng jwa gagwe jo a bo dirileng, a dira se e leng molao le tshiamo o tla boloka moya wa gagwe gore o tshele.
Ke ipolela ditlolo tsa me mme boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha.
Subela sefatlhego sa gago dibe tsa me mme o phimole ditshiamololo tsa me tsotlhe.
Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o robegileng; wena Modimo, ga o na o nyatsa pelo e e robegileng le e ekgoberegileng.
Gagolang dipelo tsa lona e seng diaparo tsa lona mme lo sokologele go Morena Modimo wa lona; gonne o tshwaro le pelo tlhomogi, o bonya go galefa, o tsalano e kgolo mme o ikwatlhaela bosula.
Pelotlhomogi le tebalelo ke tsa Morena Modimo wa rona; le fa re o rukhutlhetse, le gone re sa ka ra utlwa lentswe ja Morena Modimo wa rona , go tsamaya ka fa melaong ya ona e o re e beileng pele. Morena o ntshiamise, mme a e se nne ka tshekiso; e seng ka bogale jwa gago gore e sere kgotsa wa nnyeletsa.
Ikwatlhaeeng, gone bogosi jwa legodimo bo atametse.
Ke tla nanoga key a kwa go Rre, mm eke tla mo raya kere, Rara ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, mme ga ke a tshwanela go tlhola ke bidiwa morwao.
Morena o se seke le motlhanka wa gago gonne ga go na motshedi ope yo o tla siamisiwang fa pele ga gago.
Fa re re g arena boleo, re a itsietsa, mme boammaruri gab o yo mo go rona; mme fa re ipolela dibe tsa rona, o boikanyo le tshiamo go re lebalela dibe tsa rona, le go re itshekisa mo tshiamololong yotlhe.
ii) Baetsho ba lo rategang lokwalo lo lo boitshepo lo re tlhotlheletsa ka dipaka tse dintsi gore re ipolele dibe tsa rona tse dintsintsi, le tditshiamololo tsa rona; le gore re senne baitimokanyi le go di fitlha fa pele ga Modimo, mothatayotlhe, Rara wa rona wa legodimo; mme re di ipolele ka pelo ya kgobalalo, le ya boikokobetso, le ya boikotlhao, le e e utlwang; gore re tle re bone tebalelo ya tsona ka ntlha ya molemo le pelotlhomogi ya ona e e senang tekanyo. Ke gone ke lo kgwathaletsang, mme ke a lo rapela lotlhe ba lo fano gore lo ntatele kwa throneng ya tshwaro ya legodimo ka pelo e e boitsheko, le ka lentswe la boikokobetso, lo ntshale morago, lo re:
(Ipobolo ya dibe, e e tla dirwang ke phuthego yotlhe mmogo le moruti, go khubangwe ka mangole)
iii) Mothatayotlhe, Rara wa maitshwarelo a magolo segolo re fapogile, re timetse mo ditseleng tsa gago jaaka dinku tse di latlhegileng re latetse megopolo le dikeletso tsa dipelo tas rona re tlodile melao ya gago e e boitshepo. Ga re a ka ra dira tse re ne re tshwanetse go di dira; mme re dirile tse re ne re sa tshwanela go di dira; jalo ga go na boitekanelo bope mo go rona mme wean Morena o re utlwele botlhoko re baleofi ba ba tlhomolang pelo. Wena Modimo rekegela ba ba ipobolang ditlholo tsa bona. Busetsa go wena ba ba ikwatlhayang, kafa ditsholofetsong tsa gago tse o di boleletseng batho botlhe ka Kreste Jesu Morena wa rona. Rara wa maitshwarelo, o re nee ka ntlha ya gago gore re tle re tshele ka boitshepo, le ka tshiamo, le ka tekano, go isa kgalalelong ya Leina jag ago je le boitshepo. Amen
iv) Morena re a go rapela golola batho bag ago mo maleong a bone, gore e re ka kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo, re gololwe mo dikgoleng tsa dibe tse re di dirileng ka ntlha ya bokoa jwa rona. Rara wa legodimo, a o ko o re direle se, ka ntlha ya ga Jesu Kreste, MOrena wa rona yo o tlotlegang.
v) “THAPELO YA MAIKUTLO”
vi) PHUTHEGO YOTLHE E TLA OPELA THAPELO YA MORENA
Fano Moruti o tla re:
Morena bula dipounama tsa rona.
Phuthego e arabe ka gore:
Mme melomo ya rona e tla bolela pako ya gago
Moruti:
Modimo akofela go re boloka.
Phuthego:
Morena akofela go re thusa.
Jaanong fano batho bolhe bat la ema, mme Moruti a re:
Kgalalelo e nne go Rara, le go morwa, le go moya o o boitshepo.
Batho:
Jaka e ne e le mo tshimologong, le jaana, mme e tla nna ka metlha, le ka go senang bokhutlo. Amen
Moruti:
Bakang Morena
Batho:
A leina la Morena le bakwe. Amen.
a) Ditlhogo tsa tumelo ka Moruti le Phuthego yotlhe.
Ke a dumela mo go Modimo Rara, Mothatayotlhe, modiri wa legodimo le lefatshe. Le mo go Jesu Kreste, Morwawe yo o esi, Morena wa rona, yo o ithwelweng ka mowa o o boitshepo, yo o tsetsweng ke Maria wa kgarebana, yo o bogileng mo tlase ga Pontius Pilatus, yo o bapotsweng mo sefapanong, yo o suleng, le yo o fitlhilweng, o fologetse mo bobipong, ka letsatsi la ja boraro o rudile gape mo baswing, o tlhatlhogetse kwa legodimong; mme o dutse fa seatleng se se siameng sa Modimo, Rara, Moothatayotlhe, fa o tla tswang gone go atlhola batshedi le baswi, ke a dumela mo mowing o o boitshepo, kereke e e boitshepo, e e ka gotlhe; tlhwaelano ya baitshepi; boitshwarelo jwa dibe; go rula ga mmele le botshelo jo bo sa khutleng. Amen.
- SEFELA
- DIKITSISO (Committee)
- SEFELA
- THERO YA EVANGELI
- SEFELA
- ETC (Jalo le jalo)
SELALELO
- SEFELA
- THAPELO YA LETSATSI LA SABATA
- SEFELA
- DITLHOGO TSA TUMELO
- SEFELA
- MELAO E SOME
- SEFELA
- KOLOBETSO/ KAMOGELO/ LENYALO/ DITSHEGOFATSO
- SEFELA
- DIKITSISO (Committee)
- SEFELA
- THERO
- E.T.C
SELALELO SA MORENA.
- SEFELA SE SE MALEBA – E.g. (Atamelang ka tumelo ) (214)
- TLHAPA DIATLA
- TSHEGOFATSO YA BA BA SIMOLOLONG GO JA SELELO.
- TSHEGOFATSO BOGOBE LE WEINE
- THAPELO YA MAIKUTLO
- THAPELO YA MORENA (Bua)
- TSWELETSO
(a) Modimo Mothatayotlhe, yo dipelo tsotlhe di go bulegetseng, le yo dikeletso tshotlhe di itseweng ke wena, le yo go se seng sephiri sepe se se fitlhegileng mo go wena; ntlafatsa megopolo ya dipelo tsa rona ka pudulelo ya mowa wa gago o o boitshepo; gore re go rate ka botlalo; mme re godise leina ja gago je le boitshepo ka tshwanelo, ka Kreste Morena wa rona. Amen.
Ke gone Moruti o tla emang, a bale kgwathatso e a re:
(b) Lona ba lo rategang mo go Morena, ba lo gopotseng go atamela mo Selalelong se se boitshepo se sa mmele le madi a ga Kreste Mmoloki wa rona, a lo ko lo gakologelwe ka fa Paulos moitshepi o kgwathaditseng botlhe ka gone; gore e re ba ise ba itseele go ja bogobe jo, le go nwa senwelo se, ba ipotse thata le go itebateba. Ke gone, bagaetsho, itshekiseng, gore lo se ka lwa sekisiwa ke Morena; ikwatlhaeng ruri mo dibeng tsa lona tsa metlha e e fetileng; lo nne le tumelo e e tshedileng le e e tlhomameng mo go Kreste Mmoloki wa rona; siamisang mekgwa ya lona,ratanang ka nnete le batho botlhe; mme jalo lo tla nna baabedwi ba tshwanelang ba Selalelo se se boitshepo se. Mme gore lo nne lo gopole lorato loo lo logolo lwa mong wa rona, le Moreboloki Jesu Kreste, yo o re swetseng jalo, le masego otlhe a a senang palo a o a re etleleditseng ka go re tshololela madi a gagwe a a rategang; ke gone o tlhomileng, mme a laolela dikano tsa lorato lwa gagwe le segopotso se se nnetseng ruri sa loso lwa gagwe, ka ntlha ya kgomotso ya rona e kgolo le e e sa khutleng. Ke gona a re itumeleleng ene, le Rara, le mowa o o boitshepo ka metlha; a re ipeleng gotlhe fela fa tlase ga thato ya gagwe, mme re tlhoafaleleng go mo direla ka boitshepo le ka tshiamo ya nnete, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona.
(c) Lona ba lo ikwatlhayang mo dibeng tsa lona ka nnete le ka tlhoafalo, le gone lo le mo loratong lwa nnete le bangwe ka lona, mme lo ikaeletse go tshela botshelo jo bosa, le go latela melao ya Modimo, le go tsamaya jaanong ka ditsela tsa one tse di boitshepo; atamelang ka tumelo, mme lo tsee selalelo se se boitshepo se go nna kgomotso ya lona; khubamang ka mangole a lona, mme lo ipoleleng ka boikokobetso fa pele ga Modimo Mothatayotlhe, lo ntshale morago, lo re:
(d) Modimo Mothatayotlhe, Rara wa Morena wa rona Jesu kreste, Modiri wa dilo tsotlhe, Moatlhodi wa batho botlhe, re ipolela, le go lelela dibe tsa rona tse di ntsi, le bolotsana jwa rona jo re bo dirileng segolo setonna, ka dipaka le dipaka, mo go wean Modimo, ka kgopolo, le ka puo, le ka tiro. Re ikgakaleditse bogale jwa gago, le botsarara jwa gago jo bo siameng. Re ikwatlhaya ka tlhoafalo, mme re hutsafadiwa ke ditlolo tse tsa rona; kgopolo ya tsone e ya re fudua. Rara wa mautlwelobotlhoko o re utlwele botlhoko, o re utlwele botlhoko, ka ntlha ya morwao Jesu Kreste Morena wa rona; o re lebalele tsotlhetse di fetileng. Mme jaanong naya gore re go direle ka metlha, le go go kgatlha ka botshelo jo bosa; gore leina jag ago le tlotlege, le itshepisiwe, ka Jesu Kreste Morena wa rona. Amen.
(e) A re lebogeng Morena Modimo wa rona.
Go tshwanetse, mme go siame go dira jalo.
(f) Go tshwanetse ruri, go siame, mm eke moletlo wa rona gore re koo re go leboga ka metlha yotlhe, le ka dipaka tsotlhe, Morena Modimo Mothatayotlhe le yo o sa khutleng.
Batho ba latele Moruti ka go re:
(g) Ke gone rona le Baengele, le ditlhogo tsa Baengele, le mephato yotlhe ya legodimo, re bakang, le go godisa leina jag ago je le galalelang; mme re a go leboga, gore ka metlha e e sa khutleng, O boitshepo, O boitshepo, O boitshepo, Morena Modimo wa masomosomo, legodimo le lefatshe di tletse kgalalelo ya gago; kgalalelo e nne ya gago, Wena Morena Mogodimodimo. Amen.
(h) Ga re a italetsa go atamela tafole ya gago, Morena wa pelotlhomogi; ga re ikanye mo tshiamong ya rona ka rosi, mm eke mo maitshwarelo a gago a mantis le a magolo.Ga re a tshwanela le fa e le go sela matlhotlhora fa tlase ga tafole ya gago. Le fa go ntse jalo, O sale O le ene morena, yo sa gago e leng go utlwela botlhoko ka metlha; ke gone Morena wa tsalano re neele go ja jalo nama ya ga Morwao yo o rategang, Jesu Kreste, le go nwa madi a gagwe, gore mebele ya rona ya itshekologo e tle e itshekisiwe ka mmele wa gagwe, le mewa ya rona e tlhatswiwe ka madi a gagwe a a rategang, le gore re tle re nnele ruri mo go ene, le ene mo go rona. Amen.
(i) Modimo Mothatayotlhe, Rara wa rona wa legodimo yo ka ntlha ya pelotlhomogi ya gago e kgolo, O no wa naya Morwao yo o esi, Jesu Kreste, go boga loso mo sefapanong gore a re rekolole; yo ka go ineela ga gagwe gangwe fela, o nang a dira ka gone setlhabelo sa botlalo, le sentshetso se se itshekileng, le kgwediso e e lebanyeng ka ntlha ya dibe tsa lefatshe jotlhe; mme a emisa segopotso se se sa khutleng sa loso lwa gagwe lo lo rategang; mme a re laolela ka Efangeli ya gagwe e e boitshepo, gore re nne re se dire go tsamaya a ba a tla; Rara wa mautlwelobotlhoko, re go rapela ka boikokobetso, O re utlwe, mme naya gore rona ba re amogelang dipopo tse tsa gago, tse e leng bogobe le veine, ka fa kemisong ye e boitshepo ya ga Morwao Jesu Kreste, Mmoloki wa rona, go nna segopolo sa loso le pogiso ya gagwe, re tle re nne babedwi ba mmele le madi a gagwe a a rategang. Yo e rileng mo bosigong jo o okilweng ka jone, a tsaya bogobe, mme ya re a sena go bo leboga, a bo roba, a bo naya barutwa ba gagwe, a re, Tsayang lo je; se ke mmele wa me o o newang ka ntlha ya lona; dirang se, go nna segopotso sa me. Mme ka mokgwa oo ka osi, e rile morago ga selalelo a tsaya senwelo, mme ya re a se na go leboga a se ba naya, a re, Nwang lotlhe mo go sone, gone se ke madi a me a kgolagano e ntsha, a a tshololwang ka ntlha ya lona, le ka ntlha ya bontsi, ka ga boitshwarelo jwa dibe; e ne e re motlhango lo se nwang, lo dira se go nna segopotso sa me. Amen.
BOGOBE
Mmele wa Morena wa rona Jesu Kreste, o o neilweng ka ntlha ya gago, o boloke mmele le mowa wag ago go isa botshelong jo bo sa khutleng. Tsaya, O je se, e nne segopotso sa gore Kreste o go swetse, mme O mo je mo pedun ya gago ka tumelo le ka tebogo.
SENWELO
Madi a Morena wa rona Jesu Kreste, a a tshologileng ka ntlha ya gago, a boloke mmele le mowa wag ago go isa botshelong jo bo sa khutleng. Nwa se, e nne segopotso sa gore madi a ga Kreste a tshologile ka ntlha ya gago, mme O leboge.
1. Morena, Rara wa legodimo, rona batlhanka bag ago ba boikokobetso re rapela molemo wa gago wa borara gore O amogele ka tshwaro, setlhabelo se sa rona sa pako le sa tebogo; re go rapela ka boikokobetso gore ka ntlha ya ditshwanelo le loso lwa ga Morwao Jesu Kreste, le ka tumelo mo madding a gagwe, rona le ba Kereke ya gago yotlhe re bone tebalelo ya dibe, le masego otlhe a mangwe a pogiso ya gagwe. Mme janong, Morena, re a go intshetsa, mme re go ineela gotlhe fela; mowa le mmele go nna setlhabelo se se lebanyeng, le se se itshepileng, le se se tshedileng; mme re go rapela ka boikokobetso gore rona rotlhe ba re leng babedwi ba Selalelo se se boitshepo se, re tlale tshwaro ya gago, le lesego jag ago ja legodimo. Mme le fa re sa tshwanela go go ntshetsa setlhabelo sepe ka ntlha ya dibe tsa rona tse dintsintsi; le fa go nntse jalo re a go rapela gore O amogele ka pelotshweu se e leng moletlo wa rona le tirelo ye e tshwanelang; e seng go lekanyetsa ditshwanelo tsa rona, mme e leng go itshwarela ditlolo tsa rona ka Jesu Kreste Morena wa rona, yo ka ene, le yo mo go ene, le ka bongwefela jwa Mowa o o boitshepo, a tlotlego yotlhe le kgalalelo di nne mo go Wena, Rara Mothatayotlhe, ka go sena bokhutlo. Amen.
2. Kgalalelo e nne go Modimo kwa godimo, mme mo lefatshing go nne kagiso, le thatano e nne mo bathung; re a go baka, re a go itumelela, re a go obamela, re a go galaletsa, re go lebogela kgalalelo ya gago e kgolo, Morena Modimo, Kgosi ya legodimo, Modimo Rara Mothatayotlhe. Morena, Morwao yo o tsetsweng a le esi, Jesu Kreste, Morena Modimo, Kwana ya Modimo, Morwa Rara, yo o tlosang maleo a lefatshe, O re utlwele botlhoko. Wena yo o tlosang maleo a lefatshe, amogela merapelo ya rona. Wena yo o nntseng fa seatleng se se siameng sa Modimo Rara, O re utlwele botlhoko. Gonne ke wena wesi O boitshepo, wena wesi O Morena; wena wesi Kreste, le mowa o o boitshepo; O mogodimodimo mo kgalalelong ya Modimo Rara. Amen.
TSHWARO
Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tshegetse dipelo tsa rona le megopolo ya lona mo kitsong ya Modimo, le mo loratong lwa one, le lwa Morwa one, Jesu Kreste Morena wa rona. Mme a segofatso ya Modimo Mothatayotlhe, ya Rara le ya Morwa, le ya Mowa o o boitshepo, e nne le lona, mme e sale le lona ka metlha yotlhe. Amen.
TIRELO YA KOLOBETSO YA MASEA
- Baratiwa, e re ka Morena wa rona jesu Kreste a neile Kereke ya gagwe taolo go dira ditshaba tsotlhe barutwa ka go di kolobetsa mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o boitshepo; mme le gone ka batho ba ba fano ba, ba lerile ngwana yo, mme ba mo neela mo kolobetsong e e boitshepo, a e re ka re phuthegile mmogo mo leineng jag a Kreste le mo kutlong ya taolo ya gagwe, re reetseng thuto ya lefoko ja gagwe je le boitshepo go kaelwa le go kgothadiwa ke jone mo tirelong ye.
Jesu a tla mo go bone a bua nabo a re, Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatshing. Ke gone, yang lo dire ditshaba tsotlhe barutwa, lo di kolobetse mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo, lo nntse lo ba ruta go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme boning, ke nna le lona ka metlha yotlhe, le go ya bokhutlong jwa lefatshe.
- Mme ba lere banyana mo go ene gore a ba ame; mme barutwa ba ba kgalemela. Mme ya re Jesu a bona jalo,a gakatsega, a ba raya a re, Lesang banyana bat le mo go nna, lo seka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaruri, ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaka ngwana, ga a na a tsena mo go jone ka gope. Mme a ba tsaya ka mabogo a gagwe, a ba baya diatla, a ba segofatsa.
Mme ke tla tlhomamisa kgolagano ya me gare ga me le Wena, le losika lwa gago sefularong sa gagomo ditshikeng tsa bone, go nna kgolagano e e sa khutleng, go nna Modimo go wena, le go losika lwa gago morago ga gago.
Ke tla tshelela losika lwa gago Mowa wa me, le matlhogela a gago segofatso ya me.
- THAPELO – Mothatayotlhe Modimo o o sa khutleng, Rara wa legodimo, re go leboga ka boikokobetso , ka gonne o kgatlhilwe ke go re biletsa mo kitsong ya tshwaro ya gago, le mo tumelong mo go wena; totisa kitso ye; O tlhomamise tumelo ye mo go rona ka go sa khutleng. Naya ngwana yo Mowa wa gago o o boitshepo, gore a tle a tsalwe sesa, a dirwe mojaboswa jwa poloko e e sa khutleng; ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Kreste, yo o tshelang, le yo o busang le Wena le Mowa o o boitshepo, janong le ka go sena bokhutlo. Amen
- Modimo o o kutlwelobotlhoko, le Rara wa legodimo, natefelwa ke go naya batsadi ba ngwana yo Mowa wa gago o o Boitshepo, gore bat le le botlhale le tshwaro go godisetsa matlhogela a bone mo papetletsong le mo kaelong ya Morena, le mo tumelong ya lefoko ja gago je le boitshepo; ka ntlha ya ga Jesu Kreste, motsiriganyi le morekolodi wa rona a le esi. Amen.
- Mothatayotlhe Modimo o o sa sweng, mothusi wa botlhe ba ba tlhokang, mfemedi wa botlhe ba ba tshabelang kwa go Wena, botshelo jwa ba ba dumelang, le tsogo ya baswi; re biletsa kwa go wena ka ntlha ya ngwana yo, yo re mo lereng mo go wena, mo Sakramenteng se se boitshepo se. Mo amogele Morena, jaka osolofeditse ka Morwao yo o rategang wa re, Lopang, mme lo tla newa, batlang, mme lo tla bona; konyakonyang, mme lo tla bulelwa. Re fe re je, rona ba re lopang; a re bone, rona ba re batlang; re bulele kgoro, rona ba re konyakonyang; gore ngwana yo a dirwe, mme a nnele ruri morutwa wa boammaruri wag a Kreste, mme bofelong a tle a fitlhe kwa bogosing jo bo sa khutleng, jo o bo solofeditseng, ka Kreste Morena wa rona. Amen.
- Mothatayotlhe, Modimo o o nnetseng ruri, yo Morwao yo o rategang, Jesu Kreste , ka ntlha ya boitshwarelo jwa dibe tsa rona, o na a tsholola madi le metsi mo lotlhakoring lwa gagwe lwa botlhokwa, mme a naya barutwa ba gagwe taelo, gore ba ye go ruta merafe yotlhe, ba e kolobetse mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo, re a go lopa, ela mekokotlelo ya phuthego e tlhoko, O nee gore ngwana yo, yo o tla kolobediwang janong, a tle a amogele botlalo jwa tshwaro ya gago, mme mo bofelong a fitlhelwe mo palong ya bana bag ago ba ba ikanyegang ba ba itshenketsweng, ka ntlha ya ga Jesu Kreste Morena wa rona. Amen.
- Leina, ke go kolobetsa mo leineng la Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo. Amen
- Re amogela ngwana yo mo phuthegong ya letsomane jag a Kreste, gore a tle a rutwe, mme a godisediwe mo dithutong, le mo tshiamelong, le mo ditshwanelong tsa tirelo Modimo ya Bokreste; mme re solofela gore o tla nna motlhabani le motlhanka wa ga Kreste yo o boikanyo go isa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe.
- Modimo o o kutlwelobotlhoko, naya gore Adamo yo mogologolo a fitlhwe mo ngwaneng yo, gore motho yo mosa a tle a rule mo go ene. Amen.
- Naya gore maikutlo otlhe a nama a swe mo go ene, le gore dilo tsotlhe tse e leng tsa mowa di tshele mme dig ole mo go ene. Amen
- Naya gore a nne le nonofo le thata ya go fenya le go peetsa kgatlhanong le diabolo, le lefatshe, le nama. Amen.
- Naya gore batsadi ba ngwana yo ban ne le tshwaro gore go ya goile ba beele ngwana wa bone sekaelo sa botshelo jwa poifo Modimo, mme ka merapelo ya bone le puo e e itshekileng, bat le ban ne badiredi ba Modimo mo go ene go isa molemong. Amen.
- Naya gore le fa e le mangy o o kgethelwang wena ka boruti le tirelo ya rona a abelwe dintle tsa legodimo, a duelwe ka bosakhutleng, ka kutlwelobotlhoko ya gago, Morena Modimo yo o lesego, yo o tshelang, le yo o busang dilo tsotlhe ka go sena bokhutlo. Amen.
- Tshwaro ya Morena wa rona Jesu Kreste le lorato lwa Modimo, le tlwaelano ya Mowa o o Boitshepo, e nne le rona rotlhe. Amen.
KOLOBETSO YA BA BA GODILENG
- Baratiwa, e re ka Morena wa rona Jesu Kreste a neile ya gagwe taolo go dira ditshaba tsotlhe barutwa, ka go di kolobetsa mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo, mme e re ka motho yo o fano yo, yo o sekang a kolobediwang mo boseeng, a batla janong, fa pele ga phuthego ye,go amogelelwa mo Kerekeng ya ga Kreste, ka tirelo ye o e laoletseng kamogelo yeo, a e re jaka re phuthegile mmogo mo leineng ja ga Kreste, le mo kutlong ya taolo ya gagwe, re reetseng thuto ya Lefoko ja gagwe je le boitshepo ka ga Sakramente se, re tle re rutege re kgwathatsege.
Taolo yotlhe ke e neilwe, go bua Mmoloki Kreste, kwa legodimong le mo lefatshing. Ke gone tsamayang lo dire ditshaba tsotlhe barutwa, lo di kolobetse mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo, lo di rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, le go ya bokhutlong jwa lefatshe.
- Ikwatlhaeng, go bua Moapostolo yo o boitshepo Petero, mme mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leing ja ga Jesu Kreste, go isa boitshwarelong jwa dibe tsa lona; mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
- Ananiase a re, Mokaulengwe Saulo, o sa diegetse’ng? Ema, o kolobediwe, mme o tlhatswege mo dibeng tsa gago, o bitse leina ja Morena.
A ga lo itse, go bua Moitshepi Paulo, gore rona rotlhe ba re kolobeditsweng mo go Jesu Kreste, re kolobeditswe mo losong lwa gagwe? Ke gona ka moo re fitlhilwang nae mo losong ka kolobetso; gore jaka Kreste a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya Rara, le rona jalo re tle re tsamaye mo boseng jwa botshelo.
Gape, Moapostolo yoo ka esi a re, Lo fitlhilwe nae mo kolobetsong, ye le gone lo rudileng nae mo go yone, ka tumelo ya go dira ga Modimo o o mo rudisitseng mo baswing.
- Moratiwa, o rutilwe ka fa molaong wag a Kreste, mo metheong ya thuto ya gagwe, mme ka go tla ga gago fano O eletsa go amogela kolobetso e e boitshepo, o ipobola ka tshisimogo fa pele ga Modimo le phuthego ye, tumelo ya gago mo go Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepo, o O tla tlogang O kolobediwa mo leineng ja one, mme o ipobola Morena Jesu ka molomo wa gago. O utlwile taolo ya Modimo ka molomo wa Moapostolo wa one; Ikwatlhaye mme o kolobediwe mo leineng ja ga Jesu Kreste; le mantswe a a builweng le Saulo wa Tareso: Ema, o kolobediwe, o tlhapisiwe mo dibeng tsa gago, O bitsa leina ja Morena. Gape, o gakololwa gore botlhe ba ba kolobeditsweng mo go Jesu Kreste ba kopanntswe le ene ka mowa o le mongwe fela, ke gone le wena ka fa ntlheng ya gago, O tshwanetseng go ipobola tumelo ya gago mo go Kreste, mme o tshwanetse go solofetsa fa pele ga phuthego ye gore, ka tshwaro ya Modimo, O tla itatola diabolo le ditiro tsa gagwe tsotlhe, le gore o tla dumela ka tlhomamo ditsholofetso tse di boitshepo tsa Modimo, O tshegetse melao ya one ka boikokobetso.
MORUTI O TLA BOTSA YO O TLILENG MO KOLOBETSONG
- A o itatola diabolo le ditiro tsa gagwe tsotlhe, mabela, le kgalalelo ya lefatshe, le dikeletso tsotlhe tsa bopelotshetlha tsa jone, le dikeletso tse di maswe tsa nama, gore O tle o se ke was ala morago, le fa e le gho gogwa ke tsone?
Karabo: Ke di itatola tsotlhe
- A O dumela mo go Modimo Mothatayotlhe, modiri wa legodimo le lefatshe? Le mo go Jesu Kreste Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Morena wa rona? Le gore o ne a ithwalwa ka Mowa o o Boitshepo, a tsalwa ke Maria wa kgarebane; gore o bogile mo tlase ga Pontiuse Pilatuse, a bapolwa, a swa, a fitlhwa, a fologela bobipong, mme a rula gape ka letsatsi ja boraro; le gore o na a tlhatlogela kwa legodimong, a dula fa seatleng se se siameng sa Modimo Rara, Mothatayotlhe; mme o tla tswa gone ka bokhutlo jwa lefatshe, go atlhola batshedi le baswi?
Mme a o dumela mo go Mowa o o Boitshepo; Kereke e e boitshepo ye e ka gotlhe;tlwaelano ya baitshepi; boitshwarelo jwa dibe; go rula ga mmele, le botshelo jo bo sa khutleng morago ga loso?
Karabo: Tse tsotlhe ke di dumela ka tlhomamo.
A O rata go kolobediwa mo tumelong ye?
Karabo: Ke yona keletso ya me.
A o eletsa e le ruri go amogela Kreste Jesu Morena go nna Mmoloki wa gago, le go mo ikanya a le esika ga poloko, mo nakong yeno le kwa bosakhutleng?
Karabo: Ke yona keletso ya me.
A ke gone o tla utlwang, mme o tshegetse thato ya Modimo ye e boitshepo, le melao ya one, O tsamaya mo go yone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago?
Karabo: Ke tla leka go dira jalo, Modimo e le mothusi wa me.
Mothatayotlhe Modimo o o sa sweng, mothusi wa batho botlhe ba ba tlhokang, mfemedi wa botlhe ba ba tshabelang kwa go Wena, botshelo jwa badumedi le go rula ga baswi; re biletsa koo go wena ka ntlha ya motho yo, mo amogele, Morena, jaka o solofeditse ka morwao yo o rategang wa re, Lopang, mme lo tla newa; batlang, mme lo tla bona, konyakonyang, mme lo tla bulelwa, re fe ba re lopang, rona ba re batlang, a re bone; o re bulele, ba re konyakonyang; gore motho yo a nne le segofatso ya gago ye e sa khutleng, mme mo bofelong a fitlhe kwa bogosing jwa gago jo bo nnetseng ruri, jo O bo solofeditseng ka Kreste Morena wa rona. Amen
Mothatayotlhe, Modimo o o nnetseng ruri, yo Morwao yo o rategang o na a tsholola metsi le madi mo lotlhakoring lwa gagwe lo lo tlhokegang ka ntlha ya boitshwarelo jwa dibe tsa rona, mme a naya barutwa ba gagwe taelo gore ba ye go ruta merafe yotlhe, ba e kolobetse mo leineng la Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo; re a go rapela, ela mekokotlelo ya phuthego ye tlhoko, mme o nee gore motho yo o tla kolobediwang janong yo, a amogele botlalo jwa tshwaro ya gago, mme a nnele ruri mo palong ya bana ba gago ba ba boikanyo ba O ba itshenketseng; ka Jesu Kreste Morena wa rona. Amen.
Moruti o Tla botsa leina ja motho yo o tsileng kolobetsong, mme o tla mo kolobetsa ka metsi, a re:
- N--------- Ke go kolobetsa mo leineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo. Amen
- Re amogela motho yo mo phuthegong ya letsomane ja ga Kreste; mme re solofela gore o tla nna motlhabani le motlhanka wa ga Kreste yo o ikanyegang, go isa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe.
Tshegofatso
- Morena a go segofatse, mme a go tshegetse; Morena a go phatsimisetse sefatlhogo sa gagwe, mme a nne tshwaro mo go Wena; Morena a go tsholeletse sefatlhogo sa gagwe, mme a go nee kagiso. Amen
- Modimo o o kutlwelobotlhoko, naya gore Adamo yo mogologolo mo mothong yo a fitlhwe jalo gore motho yo mosa a rule mo go ene. Amen.
- Naya gore maikutlo otlhe a nama a swe mo go ene gore dilo tsotlhe tse e leng tsa Mowa di tshele, mme di gole mo go ene. Amen.
- Naya gore ka a neelwe Wena ka boruti le tirelo ya rona, a apesiwa ka dintle tsa legodimo, mme a bone tuelo e e nnetseng ruri, ka kutlwelobotlhoko ya gago, Morena Modimo yo o sego, yo o sego, yo o tshelang, le yo o busang dilo tsotlhe, ka go sena bokhutlo. Amen.
- Rara yo o kutlwelobotlhoko, naya gore motho yo, yo re mo amogelang mo kerekeng ya gago ka kolobetso, go tloga jana a se ka a tlhola a tlhajwa ke ditlhong go ipobola tumelo ya ga Kreste yo o bapotsweng, mme a tlhabane senna kgatlhanong le sebe, le lefatshe, le diabolo, ka fa tlase ga mokgele wa gago; mme a nne e le motlhabani le motlhanka wa ga Kreste yo o boikanyo go isa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe. Amen.
Janong Moruti o tla bua le yo o sa tswang go kolobediwa a re:
- Mokaulengwe yo o rategang, O kolobeditswe janong mo leineng la ga Morena Jesu. Ke a kgwathatsa go gopola gore ke kabelo ya gago le tshwanelo ya gago, go tsamaya ka boikarabelo mo pitsong ya gago yue e godileng, ye e boitshepo, jaka go tshwanela ngwana wa lesedi; o sena molato, O le masisi, O sena go nyadiwa mo gare ga lefatshe je le bosula; O gakologelwa ka metlha gore kolobetso e kaya boipobolo jwa rona, e bong go latela sekaelo sa Mmoloki wa rona Kreste, re tle re dirwe ba ba tshwanang nae; gore jaka a sule a ba a tsoga ka ntlha ya rona, le rona jalo, ba re kolobeditsweng, re swe ka ntlha ya boleo, re ba re tsogela tshiamo; re nntse nyeletsa dithato tsa tse di bosula le tse di bodileng, mme re tswelela pele mo tshiamong yotlhe le mo botshelong jwa poifo Modimo.
Kgothatso, gongwe thapelo, gono tsoo pedi.
Moruti fa a digela a re:
- Mo go ene yo o nonofileng go lo disa gore lo se we, le go lo baya lo sena lobadi fa pele ga kgalalelo ya gagwe ka boitumelo jo bogolo, go Modimo o o botlhale o le osi, Mmoloki wa rona, go nne kgalalelo, le bogolo, le borena, le thata, janong le ka metlha yotlhe. Amen.
- Tshwaro ya Morena wa rona Jesu Kreste, le lorato lwa Modimo, le tlwaelano ya Mowa o o Boitshepo, e nne le rona rotlhe ka metlha. Amen.
KAMOGELO YA DITOKOLOLO TSE DISA.
- Baratiwa, Morena Jesu Kreste, morago ga go rula ga gagwe, o na a naya taolo mo go bapostolo le mo go bakaulengwe ba ba ne ba phuthegile nabo, gore balatedi ba gagwe ba kolobediwe mo leing ja Rara, le ja Morwa, le ja Mowa o o Boitshepo. Gape, morago ga tlhatlogo ya gagwe, le tshololo ya Mowa o o Boitshepo, o na a kopanya bontsi jwa badumedi mo tlwaelanong e e boitshepo, go itekanetsa bontlafatso le tlhabologo ya lefatshe, le go isa kgalalelo e e sa khutleng go Modimo. Ke gone jalo ba ne ba tlhomamisediwa gore ba tle ba tshegetse ditaolo tsa thuto le kobamelo ya Bokreste, le tlwaelano ya badumedi mo ditshikeng tsotlhe. Mme janong, gompieno re phuthegile mo leineng ja gagwe, gore mo pontsheng re tle re amogele batho mo bokaulengweng jwa barutwa ba ga Kreste, e le ba ba setseng ba amogetswe mo tlwaelanong ya Kereke, kafa taolong le kafa thulaganyong ya rona. Mme, jaka re le lesomo ja badumedi ba Bokreste, a re simololeng ka go ipolela tumelo ya rona mo leineng je le boitshepo je re bidiwang ka jone mo mmeleng o le mongwe fela, le mo moweng o le mongwe fela.
- Ke a dumela mo go Modimo Rara, Mothatayotlhe, modiri wa legodimo le lefatshe. Le mo go Jesu Kreste, Morwawe yo o esi, Morena wa rona, yo o ithwelweng ka mowa o o boitshepo, yo o tsetsweng ke Maria wa kgarebana, yo o bogileng mo tlase ga Pontius Pilatus, yo o bapotsweng mo sefapanong, yo o suleng, le yo o fitlhilweng, o fologetse mo bobipong, ka letsatsi la ja boraro o rudile gape mo baswing, o tlhatlhogetse kwa legodimong; mme o dutse fa seatleng se se siameng sa Modimo, Rara, Moothatayotlhe, fa o tla tswang gone go atlhola batshedi le baswi, ke a dumela mo moweng o o boitshepo, kereke e e boitshepo, e e ka gotlhe; tlhwaelano ya baitshepi; boitshwarelo jwa dibe; go rula ga mmele le botshelo jo bo sa khutleng. Amen.
- Gompieno Morena Modimo wa gago O go laetse gore o dire ditaolo le dikatlholo tse; mme o tla di tshegetsa, O di dire ka pelo ya gago yotlhe, le ka mowa wa gago otlhe. O ipobotse Morena gompieno gore ke Modimo wa gago, le gore o tla tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, O tshegetsa ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, O reetsa lentswe ja gagwe; mme Morena o go ipobotse gompieno gore O sesaba sa gagwe se o se itlhaoletseng, kafa o go solofeditseng ka gone.
- Baratiwa, e re bokaulengwe jwa nnete jwa Morena wa rona Jesu Kreste yo o segofetseng bo newa bao bosi ba ba batlang go bolokwa mo dibeng tsa bone, mme ba ikanya ene jaka e le mmoloki wa bone, go tshjwanetse gore, lona ba lo eletsang go tshela mo bokaulengweng jo, e re fano lo ipolele tumelo ya lona mo go ene ka esi Morena Jesu Kreste, mme lo ipofe, ka thuso ya Modimo, go itatola bosula jotlhe; mme lo latele ka tlhoafalo go dira se se amogelesegang mo go Modimo.
A janong o ipolela tumelo ya gago mo go Kreste yo o bapotsweng, le gore o tla tlhabana ka bonatla ka fa tlase ga mokgele wa gagwe kgatlhanong le lefatshe, le nama, le diabolo; le go nna o ntse o le motlhabani le motlhanka yo o boikanyo wa ga Kreste go ya bokhutlong jwa gago?
KARABO: Ke dira jalo ka tlhoafalo
- A janong fa pele ga Modimo le fa pele ga batho ba one ba ba phuthegetseng fano, O tlhomamisa, ka thuso ya Morena, fa o tla fapoga le go ithiba mo metlhaleng yotlhe ya boleo, le fa o tla nna kutlwelobotlhoko ka fa o nang le gone; O direla batho botlhe molemo, kafa o nang le sebaka sa go dira jalo ka gone?
A o ikaeletse go tlhomamisa dikwalo ka tlhoafalo le go lebelela Modimo mo tirelong tsa pontsha le tsa sephiri, le go ikopanya le batho ba one mo tlwaelanong le tirelong tsa Sekreste; go rata le go direla bakaulengwe ba gago mo Moreneng kafa motlhaleng wa ga kreste?
KARABO: Ke dira jalo Modimo e le mothusi wa me.
- THAPELO: Modimo Mothatayotlhe, Rara wa rona wa legodimo, yo ka Morwao Jesu Kreste o solofeditseng boitshwarelo jwa dibe mo go botlhe ba ba sokologelang mo go wena ka pelo e e ikwatlhayang, le ka tumelo ya boammaruri, re a go leboga ka ntlha ya batlhanka ba ba gago, ba ba atameditsweng mo go wena ka tshwaro ya gago, mme ka go ikobela pitso ya gago ya selegodimo ba ineela mo go wena. Re a go rapela, naya gore janong le ka metlha yotlhe ba nne ba natefelwe ruri ke mautlwelobotlhoko a gago a boitshwarelo jwa dibe, mme jaka bana ba ba ikobileng, ba dule mo tlwaelanong ya lorato lwa gago. Ba natlafatse ka thata ya Mowa wa gago mo mothung yo o kafa teng, ka malatsi otlhe o ba okeletse ’neo tse dintsi tsa tshwaro ya gago; ba tlatse ka mowa wa botlhale le tlhaloganyo, mowa wa tekano le thata; mowa wa kitso le poifo Modimoya nnete, janong le ka go sena bokhutlo. Amen.
- Baratiwa, re lo amogela mo kopanong ya Kereke ya ga Kreste ka boitumelo; mme re rapela Modimo Rara wa rona , gore o lo femele ka tshwaro ya one ya legodimo, gore lo nne ba one goyagoile; le gore ka mowa wa one o o Boitshepo lo totafale mo kitsongle mo loratonglwa Morena Jesu Kreste ka metlha yotlhe, e tsamae lo fitlhe kwa bogosing jwa one jwa legodimo.
Morena a lo segofatse, mme a lo tshegetse, morena a lo phatsimisetse sefatlhego sa gagwe, mme a nne tsalano mo go lona; a lo tsholeletse sefatlhego sa gagwe, a lo nee kagiso.
- Morena, Rara wa rona wa legodimo, o o dirang mo go rona go rata le go diragatsa dilo tse di molemo le tse di amogelesegang mo matlhong a gago; re dira mokokotlelo wa rona wa boikokobetso mo go wena ka ntlha ya batlhanka ba ba gago, ba ba amogeletsweng mo kopanong ya batho ba gago. Re go rapela gore seatla sa gago sa borara se nne se ba okame ka metlha, a mowa wa gago o o Boitshepo o nne mo go bone goyagoile; a ba golele mo tshwarong le mo kitsong ya Morena le Mmoloki wa rona Jesu Kreste, ba latele sekaelo sa gagwe se se boitshepo ka malatsi otlhe.
Morena kgatlhega go re kaela, go re itshekisa, le go re goga mo tseleng yotlhe ka melao ya gago, le mo tirong ya go kgona mewa, le go aga Kereke ya gago e e mo lefatsheng mo boitshepong; mme naya gore, ka tshireletso ya gago e kgolo thata, re tle re bolokwe mo mmeleng le mo moweng, mme jalo re tle re direlwe kgoro ya go tsena mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le Mmoloki wa rona Jesu Kreste. Amen.
- Tshwaro ya morena wa rona jesu Kreste, le lorato lwa Modimo, le tlwaelano ya Mowa o o boitshepo, e nne le rona rotlhe ka metlha. Amen.
TIRELO PHITLHO YA BANA
- Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna le fa sule o tla tshela; mme mongwe le mongwe yo o tshelang, a dumela mo go nna ga a kitla a swa ka gope.
- Jaka Rra bana a tla a utlwele bana ba gagwe botlhoko, Jehova le ene o tlhomogela pelo ba ba mmoifang jalo. Gonne o itse popego ya rona, o gakologelwa fa re le lorole fela.
PESALEMA KA FA TENTENG
a. Morena ke modisa wa me; ga ke na ke tlhoka sepe.
O nthobatsa mo mafulong a matalana; o nkgogela kafa metsing a a didimetseng.
O rudisa mowa wa me, o nkgogela mo ’tseleng tsa tshiamo, ka ntlha ya leina ja gagwe.
Ee, le fa ke ralala mogogoro wa moruti wa loso , ga ke na ke boifa bosula bope Gonne o na le nna; tsamma ya gago, le seikokotlelo sa gago, tsone di a nkgomotsa.
O a tle o baakanye bojelo fa pele ga me; mo ponong ya baba ba me.
O tloditse tlhogo ya me ka lookwane; senwelo sa me se a penologa.
Ruri molemo o tla ntshala morago, le boutlwelo botlhoko, ka malatsi otlhe a botshelo jwa me; mme ke tla nna mo tlung ya Morena ka go sena bokhutlo.
b. Lo bone gore lo se nyatse ope wa ba ba botlana ba; gonne ke a lo raya ke re, kwa legodimong baengele ba bone ba lebile ka metlha yotlhe sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong.
c. Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo seka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jaka bone. Ammaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o senang go tsaya bogosi jwa Modimo jaka ngwanyana, ga a na a tsena mo go jone gope. Mme a ba tsaya ka mabogo a gagwe a ba tshegofatsa ka go ba baya diatla.
d. A dipelo tsa lona di se fuduege; lo dumele mo Modimong, dumelang le mo go nna. Mo tlung ya Rre go na le manno a mantsi; fa go no go sa nna jalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme e tla re ke sena go lo baakanyetsa bonno, ke tla tla gape, mme ke tla lo itseela; gore kwa ke gona, le lona lo nne gona. Kagiso ya me ke a lo e naya; ga ke lo nee jaka lefatshe le tle le e neye batho. A dipelo tsa lona di se fuduege le gona a di se boife.
e. Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; mme ga gona go tlhola go le loso; le gona ga gona go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetese ruri.
f. THERO E KHUTSANE
KWA MABITLENG
TSHEGOFATSO YA LEBITLA
MO TENG GA PHUPU
- Go rata ga Rran eno yo o kwsa legodimong ke gore go seka ga nyelela ope wa ba ba botlana ba.
- Mmoloki wa rona jesu kreste o nyeleditse loso, mme a baya botshelo le go sa sweng mo leseding ka mafoko a a Molemo.
- Loso lobolela lwa gago lo kae? Bobipo phenyo ya gago e kae? Mme a go lebogwe Modimo o o re nayang phenyo ka Morena wa rona Jesu Kreste.
- E re ka mowa wa ngwana yo o tsamaile, o ile kwa tshireletsong ya Modimo mothatatyotlhe, ke gona re bayang mmele wa gagwe mo mmung; mmu mo mmung, molora mo moloreng le lorole mo loroleng; ka tsholofelo e e tlhomameng le e e sa belaleleng ya botshelo jo bo sa khutleng, ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Kreste. Amen.
- THAPELO: Modimo Mothatayotlhe, re tlogela baratwa ba rona mo tshireletsong le mo tisong ya gago; le rona ka rosi re ipaya ka fa tlase ga tshireletso ya gago. Re abele nonofo, O bo o re tle matshediso. O nne selekane le motsamaisi wa rona. Re etleeleditse go tshela ka tumelo le go go boifa; mme re tle re lebelele ka tsholofelo go tla kopana le ba ba re eteletseng pele go ya koo go wena, ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Kreste. Amen.
- Ao Modimo, wena yo o leng nonofo ya ba ba fokolang, motshedisi wa ba ba mo khutsafalong, le tsala ya ba ba senag ope, thusa gore bana ba ba gago ba seka ba imelesega ke mahutsana a bone, gore bohutsana jwa ’pelo tsa bone bo seka jwa dira gore ba go fularele. Dira gore ka tsholofelo le ka go ikanya kreste, ba nne ba go direle ka go tswelela pele mo tumelong; gore e tle e re kwa bofelong le bone ba tle ba bone botshelo jo bo nnetseng ruri, mo go Wena, ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Kreste. Amen.
- A tshwaro ya Morena wa rona Jesu Kreste, le lorato lwa Modimo Rara, le tlwaelano ya Mowa o o Boitshepo, e nne le lona lotlhe. Amen.
TIRELO PHITLHO YA BASWI (BAGOLO)
PESALEMA 90 –
- Ke nna go rula le go tshela, go bua Morena. Yo o dumelang mo go nna le fa a sule o tla tshela; mme le fa e le mang yo o tshelang, mme a dumela mo go nna, ga a na a swa ka gope.
- Ke a itse gore Morekolodi wa me o a tshela, le gore kwa bofelong o tla ema mo lefatsheng; mme le fa letlalo ja me le tlka bo le senyegile jalo, ke tla bona Modimo ke le mo nameng ya me; o ke tla o bonang ka nosi, le matlho a me a tla o leba, e seng o sele.
- Ga re a tla le sepe mo lefatsheng jeno, mme go a bonala ga re ka ke ra tswa le sepe. Morena o neile, mme Morena o tshotse; a go bakwe leina ja Morena.
- Motho yo o tsetsweng ke mosadi o tshela ka lobaka lo lo khutshwanyane, mme o tletse lehuma, o a tlhoga, a ba a kgetlhwe jaka sethunya; o feta jaka tshuti; mme ga a eme mo boemong bope.
Mo gare ga botshelo re mo losong; mme re tla batla thuso mo go mang, fa e se mo go Wena, Morena, yo o galefetseng dibe tsa rona ka tshiamo? Mme Morena, Modimo o o Boitshepo, le yo o mautlwelobotlhoko; o se re neele mo matlhokong a a galakang a loso lo lo sa khutleng.
Morena o itse dikwena tsa dipelo tsa rona; O se tsibele thapelo ya rona ditsebe tsa gago tsa mautlwelobotlhoko; mme o re rekegele, Wena Morena yo o Boitshepo, Wena Modimo Mothata, Wena Mmoloki yo o Boitshepo, le yo o mautlwelobotlhoko, wena moatlhodi yo o siameng le yo o sa khutleng; O se re leseletse ra wa mo go wena ka nako ya rona ya bofelo, ka ntlha ya matlhoko ape a loso.
- E re ka Modimo Mothatayotlhe, ka ntlha ya pelotlhomogi e kgolo ya one, o kgatlhilwe ke go ipiletsa mowa wa mokaulengwe yow a rona yo o rategang, yo o tsamaileng, ke gone re baying mmele wa gagwe mo mmung; mmu mo mmung; molora mo moloreng; le lorole mo loroleng, ka tsholofelo e e tlhomameng le e e sa belaeleng ya gore ba ba suleng ba le mo go Kreste bat la rulela botshelong jo bo sa khutleng, ka Morena le Mmoloki wa rona, yo o tla fetolang mmele wa rona wa kgobalalo gore o tshwane le mmele wa gagwe wa kgalalelo, kafa tirong e o nonofileng go obela dilo tsotlhe mo go ene ka yone.
- Ke utlwile lentswe le tswa kwa legodimong, le nthaya le re, kwala, go tloga fa go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng.
Ee, go bua Mowa; gonne ba itapolosa mo matsapeng a bone.
Morena, O re utlwele botlhoko.
Kreste, O re utlwele botlhoko.
Morena, O re utlwele botlhoko.
- Rara wa rona yo o kw a legodimong, Leina jag ago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bottle; thato ya gago a e dirwe mono lefatsheng, jaka e dirwa kwa legodimong. Re fe gompieno bogobe jwa rona jwa malatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O seka wa re gogela mo thaelong, mme o re golole mo bosuleng. Amen
- Modimo Mothatayotlhe, yo mewa ya ba ba tsamaileng ba le mo Moreneng e tshelang le wena, le yo mewa ya badumedi e a reng morago ga e sena go belegolola mokweleo wa nama, e nne le wena ka boitumelo le ka lesego; re seghofatse leina jag ago je le boitshepo, ka ntlha ya batlhanka bag ago ba ba tlogetseng botshelo jono ka tumelo le poifo ya gago; mme re a go rapela gore o rapelesege, ka pelonomi ya gago e e molemo, O swetse ka bonako palo ya ba o ba itshenketseng, mme o akofise bogosi jwa gago; gore rona le botlhe ba ba tsamaileng ka tumelo ya nnete ya leina jag ago je le boitshepo, re tle re nne le segofatso ya rona e e tletseng, le ye e itekanetseng, ya mmele le ya mowa, mo kgalalelong ya gago e e nnetseng ruri; ka Jesu Kreste Morena wa rona. Amen.
- Modimo wa pelotlhomogi, Rara wa Morena wa rona Jesu Kreste, yo o leng go rula le go tshela; yo, le fa e le mang yo o dumelang mo go ene, le fa sule, o tla tshelang; le yo, le fa e le mang yo o tshelang, mme a dumela mo go ene a se ketlang a swa ka go sena bokhutlo; Rara re go rapela ka bonolo, O re rudise mo losong lwa sebe , go re isa botshelong jwa tshiamo; gore e tle e re re tlogela botshelo jo, re itapolose mo go ene; le gore e tle re ka go rula ga botlhe ka letsatsi la bofelo, re tle re fitlhelwe re ratega mo matlhong a gagwe; mme re bone lesego jeo, je Morwao yo o rategang o tla le bolelelang botlhe ba ba ratang, ba go boifa, a re, Tlang, lona bana bag a Rare ba lo sego, amogelang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng mo tshimologong ya lefatshe; re a go rapela, Rara wa boitshwarelo, re nee se, ka Jesu Kreste, motsiriganyi le Morekolodi wa rona. Amen.
- Tshwaro ya Morena wa rona Jesu Kreste, le lorato lwa Modimo, le tlwaelano ya Mowa o o Boitshepo, e nne le rona rotlhe ka metlha. Amen.
TIRELO YA KGOLAGANO
SEFELA SE SE MALEBA
KITSISO: (E dirwa mo sontageng sa ntlha sa ngwaga, e etelelwa pele ke Mopriesta/Mookamedi)
- Modimo Mothatayotlhe, yo dipelo tsotlhe di go bulegetseng, le yo go senang diphiri dipe tse di fitlhegileng mo go Wena; itshekise megopolo ya dipelo tsa rona ka pudulelo ya Mowa wa gago o o Boitshepo gore re go rate ka botlalo, mme re godise leina ja gago je le boitshepo ka tshwanelo, ka Kreste Morena wa rona. Amen.
- Baratiwa, botshelo jwa Sekreste jo re bo bilediwang ke botshelo jo bo mo go Kreste, jo bo golotsweng mo sebeng ka ene, mme ka ene bo faphetswe Modimo. Re tsene mo botshelong jo ka re amogeletswe mo kgolaganong e Ntsha e Morena wa rona Jesu Kreste e leng motsiriganyi wa yone, le ye o e kanneng ka madi a gagwe tota, gore e tle e nnele ruri.
Kafa ntlheng e nngwe kgolagano ye ke tsholofetso ya Modimo gore O tla diragatsa mo go ronale ka rona., tsotlhe tse o di buileng ka Jesu Kreste, yo e leng Mosimolodi le Moswetsi wa tumelo ya rona. Re a tlhomamisa fa tsholofetso ya gagwe e sa fetoge, gonne re itsile molemo wa gagwe, mme re na le tshupo ya tshwaro ya gagwe mo botshelong jwa rona ka ’tsatsi lengwe le lengwe.
Kafa ntlheng e nngwe ke maikano a rona gore ga re na re tlhola re itshelela, fa e se go tshelela ene yo o re ratileng a ineela ka ntlha ya rona, a ba a re biletsa go mo direla jalo gore maikaelelo a go tla ga gagwe a diragadiwe.
Ka dipaka le dipaka re ntshafatsa maikano a rona a boineelo, bogolo fa re phuthegela fa lomating lwa Morena; mme fa e le ka letsatsi jeno, re phuthega fa bogolo thata jaka borraetsho ba na ba tle ba phuthege, gore le rona re ntshafatse kgolagano ye e re bofelelelang mo go Modimo jaka bone. Ke gone a e re ka re gakologelwa mautlwelobotlhoko a a Modimo le tsholofelo ya pitso ya one, re itlhatlhobeng ka lesedi ja Mowa wa one gore re tle re bone fa re reteletsweng kgotsa re tlhaetseng mo tumelong le mo tirong le gore ka go akanya se Kgolagano ye e se kayang, re ineele sesa go Modimo.
KOBAMELO
Moruti: A re obameleng Rara, Modimo wa lorato o o re bopileng; o o re tlamelang o re tshegetsa ka nako tsotlhe; O o re ratileng ka lorato lo lo sa khutleng, wa re naya lesedi la kitso ya kgalalelo ya one mo sefatlhegong sa ga Jesu Kreste.
Phuthego: Re a go baka, wena Modimo, re bolela fa o le Morena.
Moruti: A re ipelafatseng ka tshwaro ya Morena wa rona Jesu Kreste, yo e rileng le fa a ne a humile, o na a humanega ka ntlha ya rona; yo o ne a nntse a tsamaya a dira molemo, a rera Efangeli ya bogosi; yo o ne a lekwa mo ’ntlheng tsotlhe jaka rona, mme a se na sebe; yo o na a ikokobetsa go isa losong, ebong loso lwa Mokgoro; yo o ne a sule, mme janong o tshela ka go sena bokhutlo; yo o buletseng badumedi botlhe bogosi jwa Legodimo; yo o dutseng fa ’atleng se se siameng sa Modimo mo kgalalelong ya Rara.
Phuthego: O kgosi ya kgalalelo, Wena Kreste.
Moruti: A re itumeleng mo tlwaelanong ya Mowa o o boitshepo, Morena le Monei wa botshelo, yo ka ene re dirwang bana ba Modimo le ditokololo tsa mmele wa ga Kreste; yo tshupo ya gagwe e re tlhomamisang; yo botlhale jwa gagwe bo re rutang; yo thata ya gagwe e nonotshang; yo o nntse a emetse go re direla segolo bogolo go feta tsotlhe tse re di lopang kgotsa tse re di gopolang.
Phuthego: A pako yotlhe e newe wena Mowa o o Boitshepo.
TEBOGO
Moruti: A re emeng re leboge Modimo ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a one a mantsintsi. O Modimo Rara wa rona, Motswedi wa molemo otlhe, yo o re supeditseng tshwaro (e seng mo ngwageng o o fetileng fela, mme le), mo dinyageng tsotlhe tsa botshelo jwa rona ka ntlha ya bopelonomi jwa gago jwa lorato jo re bo bonyeng mo malatsing otlhe a rona le jo bo re belegeng go fitlha fano.
Phuthego: Re baka leina ja gago je le boitshepo, Wena Morena.
Moruti: O re neile botshelo le tlhaloganyo, wa re baya mo leffatsheng je le tletseng kgalalelo ya gago. O re gomoditse ka bagarona le ka ditsala, wa re direla ka diatla tsa bangwe ka rona le ka megopolo ya bone.
Phuthego: Re baka leina ja gago je le boitshepo, Wena Morena.
Moruti: O dirile gore dipelo tsa rona di go tshwarelwe ke tlala. Wa re naya kagiso ya gago. O re rekolotse, wa re biletsa kwa pitsong ye e kwa godimo mo go Kreste Jesu. O re neile bonno mo tlwaelanong ya Mowa wa gago, le mo tshupong ya Kereke ya gago.
Phuthego: Re baka leina ja gago je le boitshepo, Wena Morena.
Moruti: O nntse lesedi ja rona mo lefifing; lefika je le thata mo dipogisong le mo ditekong wa re tlatsa ka mowa wa boitumelo; mo matsapeng a rona wa nna tuelo ya rona e e tletseng.
Phuthego: Re baka leina ja gago je le boitshepo, Wena Morena.
Moruti: O re gopotse re go lebetse; wa re sala morago re go tlogetse; wa re kgatlhantsha ka maitshwarelo fa re boela kwa go Wena. Ka ntlha ya bopelotelele jwa gago le mahumo a tshwaro ya gago.
Phuthego: Re baka leina ja gago je le boitshepo, Wena Morena.
BOIPOBOLO (KA TIDIMALO)
Moruti: A janong re itekoleng fa pele ga Modimo , re ipolele dibe tsa rona ka boikokobetso, re disitse dipelo tsa rona gore e se re gongwe ka go ikaketsa ga rona ra itswalela kwa ntle ga sefatlhego sa one.
O Modimo Rara, wa rona, yo o re supeditseng tsela ya botshelo ka Morwao yo o rategang, re ipolela ka ditlhong bonya jwa ronago ithuta ka ga gagwe le go gana ga rona go mo latela. O buile le rona wa re bitsa, mme ra go tlhokomologa fela; wa re phatshimisetsa bontle jwa gago, mme ra bo tlhokela matlho; wa re otlololela mabogo a gago ka bangwe ka rona, mme ra feta fela. Re amogetse dithusotse dikgolo, mme ra leboga go le gonnye; ga re a tshwanela lorato lwa gago lo lo sa fetogeng.
Phuthego: Re utlwele botlhoko mme O re itshwarele, Wena Morena.
Moruti: Re a go rapela, O re itshwarele bokoa jwa kobamelo ya rona, temalo le boikgopolelo jwa rona mo thapelong, go tlhoka tlhomamo le go bisa go dumela ga rona, go itsemeletsa tlwaelano le dipaka tsa tshwaro, go etsaetsega ga rona jaka basupi ba ga Kreste, maitimokanyo a rona le go bisa go itse ditsela tsa gago ka ga bomo.
Phuthego: Re utlwele botlhoko mme O re itshwarele, Wena Morena.
Moruti: Re itshwarele ka ntlha ya go senya dinako tsa rona kgotsa go sokamisa dineo tsa rona; go ipata ga rona fa re leofile le go katogela maikarabelo a rona. Re itshwarele fa re ganne go fenya bosula ka molemo, le go sikara sefapano.
Phuthego: Re utlwele botlhoko mme O re itshwarele, Wena Morena.
Moruti: Re itshwarele ka re dirile go le gonnye go fitlhisa lorato lwa gago mo go ba bangwe, ra kokobalela dipogiso le diphoso tse di direlwang ba bangwe ka go bo di sa re ame; ra huparela dilo tse di re kgaoganyang le bangwe ka rona, re bile re ba reteletsa go aga le rona; ra nna bonako go atlhola le go nyatsa ba bangwe, mme ra nna bonya go lebalela.
Phuthego: Re utlwele botlhoko mme O re itshwarele, Wena Morena.
Moruti: Ga re a itapisa ka ga tlwaelano , re khutlugetse mongwe ka rona; ra gana go dira poelano; re tlhoafaletse kotlhao ya ba ba leofileng, ra nna bonya go ba batlela kgololo.
Phuthego: Re utlwele botlhoko mme O re itshwarele, Wena Morena.
Moruti: A mongwe le mongwe wa rona a ipobole ka tidimalo fa pele ga Modimo.
- Morago ga moo Moruti le phuthego ba tla re:
Nkutlwele botlhoko, Modimo ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato; ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a manana a gago, phimola ditlol tsa me , ntlhapisetsa ruri mo tshiamololong ya me; O nntlafatse mo boleung jwa me . Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, Modimo o ntshafatse mowa o o siameng mo teng ga me.
- Phuthego e sa khubame Moruti o tla ema mme a re:
O ke one molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o re o lo bolelelang, gore Modimo ke lesedi mme ga go na lefifi lepe mo go one. Fa re tsamaya mo leseding jaka o le mo leseding, re na le bolekane mongwe le yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa one a re itshekisa mo dibeng tsotlhe. Fa re re ga re na sebe, re a ikaketsa, mme boammaruri ga bo yo mo go rona. Fa re ipolela dibe tsa rona, O boikanyo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re itshekisa mo tshiamololong yotlhe. Amen
- Fano go tla opelwa sefela
KGOLAGANO
Janong phuthego e tla ema mme Moruti a re:
Mme jana, baratiwa, a re ipofeleleng ka pelotshweu mo go Modimo wa kgolagano, mme re ipeleseng joko ya Kreste. Go dira jalo go kaya gore fela re itumelela bonno le tiro e o e re laolelang, le gore ke ene esi tuelo ya rona. Kreste o na le ditiro di le dintsi tse di tshwanetsebg go dirwa; dingwe di motlhofu; tse dingwe di bokete;dingwe di lere tlotlo; tse dingwe kgobo; dingwe di dumalana le maikutlo a rona, tse dingwe di kgatlhanong le one. Mo go dingwe re na le go kgatlha Kreste le go ikgatlha ka rosi; mo go tse dingwe go retetse gore re kgatlhe Kreste, fa e se ka boitatolo. Le fa go nntse jalo thata ya go dira tse tsotlhe e le ruri re e newa ke Kreste yo o re nonotshang.
Jalo a re direng Kgolagano ya Modimo go re e nne ya rona.
A re abeleng Morena dipelo tsa rona, mme re ikaelele ka thata ya gagwe go se tlhole re boa ka morago.
E re ka re iketleeditse jalo, a janong re ineele sesa mo go ene, re ikaegile ka tshwaro ya gagwe, re ikanya ditsholofetso tsa gagwe, re khubama ka mangole ka boikokobetso.
- Fano Moruti o tla buelela botlhe a re:
O Morena Modimo, Rara yo o boitshepo, yo re o biditseng ka Kreste go nna baabedwi ba kgolagano ye ya tshwaro, re ipelesa ka boitumelo joko ye ya kutlo, mme ka ntlha ya lorato la rona mo go Wena, re ikabela go batla le go dira thato ya gago e e itekanetseng. Ga re tlhole re le ba rona, re ba gago.
- Fano phuthego yotlhe e tla bua mmogo le Moruti.
Ga ke tlhole ke le wa me, ke wa gago, ntaele se O se ratang, mpaya mo maemong a a ratwang ke Wena; nkabela tiro; nkabela dipogo; a ke dirisediwe Wena kgotsa ke beelwe thoko ke bolwetse, ke tsholediwe kgotsa ke kokobediwe ka ntlha ya gago; a ke ananele kgotsa ke nne lolea; a ke nne le dilo tsotlhe kgotsa ke tlhoke ka kgololesego kgotsa ke tlhoke ka pelotshweu, ke neela dilo tsotlhe mo thatong le mo taolong ya gago. Mme janong, Wena Modimo wa kgalalelo o o segofetseng, Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo, O wa me le nna ke wa gago. A go nne jalo. Mme a kgolagano ye ke e dirileng mono lefatsheng, e ke e tlhomamisiwe kwa legodimong. Amen
Moruti: Tsholetsang dipelo tsa lona.
Phuthego: Re di tsholeletsa Morena.
Moruti: A re lebogeng Morena Modimo wa rona.
Phuthego: Go tshwanetse mme go siame go dira jalo.
Moruti: Go tshwanetse ruri, go siame, mme ke moletlo wa rona gore re ko re go leboge rotlhe, le mafelong otlhe Morena, Rara yo o Boitshepo, Modimo Mothatayotlhe, le yo o sa khutleng.
Moruti le phuthego: Ke gone rona le Baengele, le ditlhogo tsa Baengele, le mephato yotlhe ya legodimo, re bakang le go godisa leina ja gago je le galalelang, mme re a go leboga re re, ka metlha e e sa khutleng o Boitshepo, O Boitshepo, O Boitshepo, Morena Modimo wa masomosomo; legodimo le lefatshe di tletse kgalalelo ya gago; kgalalelo e nne ya gago, wena Mogodimodimo. Amen
- Fano go ka opelwa sefela , ga tsewa koleke ya bahumanegi. Go bo go ka latela selalelo sa Morena, ga simololwa fa mantsweng a a reng: Ga re italetse go atamela Tafole ye ya gago.